Article by Lorato Trok

September 2017

Bana ke bokamoso jwa setšhaba se sengwe le sengwe. Mo Aforika Borwa, go tloga kgale, dibuka tsa dinaane tsa bana di phasaladiwa ka diteme tsa Seesemane le Seaforikanse, diteme tse gantsi di dirisiwang ke basweu. Le fa dinako di fetogile ebile e tlile ka diphetogo, dilo dingwe di tsaya nako go fetoga. Bophasalatsi jwa dibuka ga ise bo fetoge mme dipuo tse di tshwereng pele esale tsona tsa basweu. Bana ba puo ya bona ysa selegae eseng Seesemane kapa Seaforikanse, ba sa itemogela tlhokego ya dibuka ka diteme tsa bone. Se ga se a siamela motheo wa bana mo dithutong tsa go buisa, go bala le go itumelela dinaane ka diteme tsa bona tsa selegae.

Mo nageng ya rona dibuka tse di fitlhelwang mo ditemeng tsa bantho gantsi di fetotswe go tswa kwa Seesemaneng. Gole gantsi boranodi jwa teng ke jwa maemo a a kwa tlase, di tletse ka diphoso. Ka kgwedi ya Mopitlwe ngwaga wa 2017, komiti ya tsa botaki ya palamente ya Aforika Borwa e ne e laetse batsamaisi bagolo ba dilaeborari mo diprofenseng tsotlhe tsa naga go kgobokanya tshedimosetso e e ka thusang go tokafatsa dilaeborari mo nageng. Mo porofenseng ya Gauteng kopano e ne e tshwaretswe kwa Laeboraring ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa. Badiri ba dilaeborari ba ne tlhagisa dingongorego tsa bona ka tiro ya bona. Bontsi jwa bone ba ne ba  tlhagisa ngongorego ya tlhokego ya dibuka tsa diteme tsa bantsho mo dilaeboraring . Mme ba tlhalosa gore tse di leng teng, badirisi ba dilaeborari ga ba di adime ka gonne ba ngongorega ka thanolo e e maemo a a kwa tlase e e sa tlhompeng dipuo tsa bona. Badiri ba dilaeborari gape ba ngongorega ka bakwadi ba ba iphasaletsang dibuka. Ba re bakwadi ba ga ba latele melao e e maleba ya go phasalatsa, mme dibuka tsa bone ga di mo maemong a gore di ka rekelwa dilaeborari. Ba ne ba gatelela gore bakwadi le baphasaladi ba tshwanetse go netefatsa gore tiro ya bona ke ya puo ya maemo a a kwa godimo. Ke ka moo go seka-seka dibuka tsa bana go leng botlhokwa.

PRAESA e ne e tshwere kopano ya baitseanape ba puo, bakwadi ba dibuka tsa bana le ba batlisisi ka kgwedi ya Phukw 2017i. Maikaelelo e ne e le go tlhotlheletsa dipuisano ka mokgwa o go ka tlhabololwang dipholo tsa diteko tsa bana tsa ANA le PIRLS ka teng. Dipholo di bontsha fa bana ba Aforika Borwa ba saletse kwa morago thata mo dinageng tsa lefatshe ka go buisa le go kwala. Ka gonne diteko di dirwa ka loleme lwa Seesemane, go nna bokete mo baneng ka gonne ga ise loleme lwa bana la ntlha. PIRLS e tlhalosa fa barutabana ba kaile gore boranodi jwa Seesemane go ya kwa dipuong tsa bantsho ke jwa maemo a a kwa tlase, mme se e ka nna nngwe ya mabaka a a dirang gore dipholo tsa diteko di nne kwa tlase ka ntlha ya fa bana ba sa tlhaloganye se se kwadilweng. Baphasaladi ba dibuka tse di kwadilweng ka diteme tsa bantsho le bona ba ne ba ngongorega ka boranodi jwa maemo a a kwa tlase. Ba ne ba ikuela gore pele ga dibuka di ka phasaladiwa, baphasaladi ba tseye nako ya go lekola tiro le go netefatsa gore baranodi ba nale bokgoni jwa go ranola.

Mo dingwageng tsa segompieno, go bakwadi ba le bantsi ba ba kwalang ka diteme tsa seAforika, go akaretsa le leleme la Setswana. Mo Aforika Borwa, bakwadi ba dibuka tsa bana ga ba fiwe tlotla jaaka bakwadi ba dibuka tsa matshelo a batho, dipolotiki, tsa bogwebi jalo jalo. Ga re utlwe thata ka bakwadi ba  ebile le fa ba phasaladitse dibuka ga di tlhagisiwe thata mo diraleng. Re utlwa go le gantsi gore baithuti ba diyunibesithi, bogolo-segolo ba ngwaga ya ntlha, ba goga ka thata mo dithutong tsa bone, le ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa marematlou. Baitse ba dipuo ba re mathata a a tlhodiwa ke gore baithuti ga ba na kitso ya leleme la Seesemane mme gape ga ba na kitso e e tseneletseng ya dipuo tsa bona tsa kwa gae. Go tlhaloganya puo ya bobedi, go tlhoka gore motheo ya puo ya ntlha o be o tiile. Ke ka moo go leng botlhokwa gore bakwadi ba Setswana ba tswelele go kwala dibuka ka Setswana ebile ba tlhoka thotloetso le tlhotlheletso.

 

Photo: Bakwadi ba dibuka tsa Setswana ka nako ya keteko ya moletlo wa bakwadi kwa profenseng ya Kapa Bokone

Puku e thotlheletsa tshekatsheko ya dibuka tsa bana tse di kwadilweng ka diteme tsa seAforika. Tiro ya Puku ya go seka-seka dibuka tsa bana tsa Setswana, e botlhokwa thata, bogolo-segolo fa go lebelelwa dintlha tse ke di tlhagisitseng kwa godimo tsa thanolo ya maemo a a kwa tlase. Tiro e ya go seka-seka e tla thusa go tlhagisa diphoso mo dibukeng pele ga diphasaladiwa, mme fa di phasaladitswe tsheka-tsheko e tla thusa gore mo kgatisong ya bobedi le dikgatiso tse di latelang go dirwe dipaakanyo tse di maleba. Tsheka-tsheko ya dibuka tsa bana e tla rotloetsa bokwadi jwa maemo a a kwa godimo mme babuisi ba dibuka, go akaretsa barutabana, ba tla tshepa gore dibuka tse ba di buisang ke tsa maemo a a kwa godimo.

Tiro ya tsheka-tsheko ya dibuka tsa Setswana tsa bana, etla  thusa le mafapha a thuto go itse gore ke eng se se leng teng mo phasalatsong le gore dibuka tse ba di batlang di bonwa kae le gore di ka fitlhelelwa kae. Baphasalatsi le bona ba tla itse gore dibuka tsa bona di fetile mo matsogong a baitseanape ba puo ya Setswana. Puku ga e seka-seke fela dibuka, e dirisa baitseanape ba puo ya Setswana le ba dithuto tsa motheo tsa bana. Ga gona mokgatlho ope Mo Aforika borwa o o ikgethileng ka go seka-seka dibuka tsa bana tsa dinaane tsa puo ya selegae. Puku ke ona fela mokgatlho o le mongwe mo Aforika Borwa o o dirang tiro e. Se gape se tla thusa go itse gore ke dibuka tse kae tsa puo ya Setswana tsa bana tse di phasaladitsweng mo nageng. Ke molao wa naga go romela buka nngwe le nngwe e e phasaladitsweng mo nageng kwa Laeborari ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa, mme fela Puku yona e gatela pele ka go seka-seka dibuka tsotlhe tse di leng teng mo nageng. Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Dipuo mo Aforika Borwa (PanSALB) o tsene mo tumalanong le maloko a morafe wa ma Khoisan kwa profenseng ya Kapa Bokone go rotloetsa tiriso ya dipuo tsa selegae tsa ma Khoisan kwa dikolong tsa profense. Ba dumelane gore dipuo di tla dirisiwa ka ngwaga wa 2019. Se se tla thusa gore dipuo tsa morafe o di se nyelele. Kgosigadi Katrina Esau wa morafe wa ma San ke mongwe wa b aba ipeileng kwa pele ka go rotloetsa tiriso ya loleme lwa se!Nxu, nngwe ya diteme tsa ma Khoisan. Puku e ikaelela go tshwara dithuto tsa go kwala dibuka tsa bana ka diteme tsa profense ya Kapa Bokone, bogolo-segolo Setswana, Nama le! Nxu. Ka jalo dibuka di tlile go kwalwa kwa tshimologong ka dipuo tse mme di ranolelwe mo Seesemaneng.

Photo: Kgosigadi Katrina le morwadiagwe Lena

Ka go seka-seka dibuka tsa bana tsa Setswana, se se tla thusa go rarabolola bothata jwa dibuka tse di ranotsweng ka meomo a a kwa tlase ka gonne baphasaladi ba ba tla dumelang gore dibuka tsa bone di seka-sekiwe ke Puku, ba tla tshwanela ke go dirisa baranodi ba ba maleba. Lefapha la Bosetšhaba la Thuto le la Botaki le Setso, go akaretsa le mafapha a a diprofense, a tla kgona go dirisa dintlha tse Puku e di tlhagisang go tswa websaeteng ya bona go itse gore ba ka reka dibuka tse feng tse di itsegeng mo dilaeboraring le mo dikolong. Se ke tiro e naga ya rona e e tlhokang thata. Ka tiro ya go seka-seka dibuka tsa Setswana, Puku e bula tsela e ntšhwa ya go lebelela dibuka tsa bana le go phasalatsa ka diteme tsa seAforika.