Review

Reviewed Book:

Reviewed Book:

Review by Dr Eileen Pooe

Go ya ka ditlhamane tsa Seaforika, Modjadji Kgosigadi ya Pula o bolela naane ya go goroga ga Modjadji mo lefatsheng la Bolobedu le le omeletseng, mo bananyana ba neng ba ise bo ba bone pula. Se se itumedisang mongwe le mongwe ke gore Modjadji o dirisa maatla a gagwe a maselamose go nesa pula. Mo nakong e khutshwane naga e nna tala, mme batho be lefatshe la Bolobedu ba boela ba itekanela ba bo ba itumela gape. E neela tshedimosetso ka maatla a go nesa pula go ya ka morafe wa Bolobedu.
Bomaleba go babuisi/Relevance to the readers:

E maleba tota e bile ala phate ka lemorago le hisetori ya setso le ngwao ya Bolobedu - morafe o o santseng o le teng kwa Limpopo mo Aforika Borwa. Bana ba tlaa rutega le go tlhaloganya botoka, le go itsela kitso bonolo ka thadisetso ya ditshwantsho.

Puo e tlhapileng, diphoso ga di kae mme di ka siamisiwa bonolo ka ponyo ya leitlho. Thutapuo e tlhoka go siamisiwa jaaka dikao tse di latelang di kaela. Ke di phoso tse di siamisegang bonolo mme go le botlhokwa go di sekegela tsebe.

E humile ka setso sa Seaforika mo Aforika Borwa. E ka tswela Maaforika mosola go tlhaloaganya ngwao ya Bolebedu. E na le bomasisi, go tlhaola bangwe ka dipopego le bong jo bo ka fatlhang.

A ke basadibagolo ba le nosi ba ba nang matsutsuba jalo? Bannabagolo bona? Bomasisi mo bathong ba bomme? (Ga go amolosege). Kgang e e nang le thuto le boleng mo maitsholong a batho - segolo ka tumelo ya go nesa pula, go fetlha ka mokgwa wa Seaforika. Le gore ke kgang ya nnete, e e bolelwang jaaka naane gore e se latlhegele beng.

Other reviews of this book

No more reviews of this book were found