Review

Reviewed Book:

Reviewed Book:

Review by Dr Eileen Pooe

E anela ka ga kgang ya basetsana ba bararo, ba botsala jwa bone bo tiileng. Ba kopanngwa ke maatla a ga Mpumi ka thata e a nang le yona ya Boselamose mme e a e abelana le ditsala tsa gagwe. E bolela gore fa yo mongwe a kgobega marapo, ba bangwe ba mo tiise, ba mo rotloetse mme maemo a boele mo mannong.

E maleba le bana ba bannye, go tshameka mmogo le go bona mosola wa go thusana. E kaela fa motho e le motho ka bath oba bangwe.

Puo e a utlwala, e a buisega. Go bonala kadimo e e sa tlhokegeng foo le fale. Ka Setswana re adima fa re sena lefoko/lereo la Setswana mme fa la rona le le teng go dirisiwa lona ntle le go adima go tswa dipuong tse dingwe.

Diphoso tsa mopeleto ke tse di ka baakanngwang jaaka:

Ke diphoso tse di fatlhang mme di ka tlwaetsa bana le babuisi ka kakaretso diphoso ba sa lemoge.
:
E maleba le bana ba bannye, go tshameka mmogo le go itse, gammogo le go tlhaloganya fa ba ka thusana mo tsamaong ya botshelo ka kakaretso.

Ga e bosisi ka gope, e a amogelesega go botlhe.

Ke kgang e e agang bommogo le gore fa yo mongwe a nyema mooko, ba bangwe ba mo rotloetse, ba mo eme nokeng mme a tsosoloswe le go boelwa ke boitumelo. Go thusana, go aga botsalano jo bo tiileng.

Other reviews of this book

No more reviews of this book were found