Review

Reiewed Book: Mmala wa Lerato

Reiewed Book: Mmala wa Lerato

Mmala wa Lerato

Review by Gomolemo Moagi

Lerato ke ntho e ntle tota, le tlisa monyebo, boitumelo, botsalanyo matshelong a rona. Lerato le mmala o montle. Nnane e mo boemong ba boraro ba thuto, e siametse bana ba mengwaga e robedi go fitlhela lesome. Ditshwantsho tsa nnane e di na le kgatlhego, di bontsha tiriso ya mebala ya mafura eo e tla dirang bana ba e rate ka gore e tlwaelegile diphaphosing tsa thuto.
Taunyane e bidiwang Leon o eletsa go tshameka le diphologolo, phiri e bidiwang Harry le Lippy yo e leng lengau feela, o ne a sa batle go kolobetsa jase ya gagwe e ntle ko moeding. O ne a leba kwa moeding gwa go kopa go tshameka le bone, Harry a nganga le Leon gore ga a batle go re ba tshameke mmogo. Se se ne sa utlwisa Leon pelobotlhoko ka gone o ne a jewa ke bodutu. Nnane e ke ya ditiragalo tsa boitlhamelo ba mokwadi. .
E rutlwetsa botsalano le gore ga re ya tshwanela gore re kgese bana ba bangwe ka ntlha ya difarologanyo tsa bone ka seo ke e ratile tota. Sa bofelo ke rata go rutlwetsa barutabana, batsadi le badiredi ba mafelo a go buisa gore ba ne le yone, ba buisetse bana ka gore e tshwere thuto e ntle.

Other reviews of this book

No more reviews of this book were found

Dear readers.

Welcome to Puku’s new website and children’s bookstore. We are excited to introduce a rich selection of children’s books in South African languages, to readers young and old.