Review

Reviewed Book:

Reviewed Book:

Review by Gilbert Motsaathebe

Kgangkhutswe e ka ga dinaledi tsa loapi mme e tlhalosa ka fa losagripa lwa dinaledi lo benyang ka teng le gore naledi nngwe le ngwe e leka go phala e nngwe ka go phatsima. Gape lokwalo lo bua ka ga tlhago le gore lefatshe le kgaba ka dimela tsa mefutafutta fa pula e sena gona. Kwa tshimologong motho o ka gopola gore lokwalo lo tlile go ruta ka ga maina a dinaledi jalo jalo. Mme mokwadi paletswe ke go tsaya tshono go dira seo mme a itlhaganela go bua ka dimela. Ke sona selo se se kgobang marapo ka ga lokwalo le. Le fa gontse jalo lone lo kwalegile sentle ebile ga lona diphoso tsa puo, mokwalo le mopeleto. Ditshwantsho le tsona di siame. Ka ga jalo ke a le atlenegisa.

Other reviews of this book

No more reviews of this book were found