Review
Reviewed Book:
Reviewed Book:
Mofuta wa mokwalo (Font) o o dirisitsweng fano o a tsietsa. Tlhaka ‘F’ e kwadilwe ka mokgwa o o sa tlwaelegang wa tshokamo. Matsapa e tla nna fa bana le bone ba ka ithaya ba re ke mokgwa o o maleba wa go kwala jalo. Diphoso tse di leng teng tsa puo ga di kalo mme ga se tse di ka amang ngwana fa a buisa buka eno. Mokwadi le mophasalatsi mo isagong ba tla tshwanela ke go tlhokomela setaele sa mokwalo gore se seka sa faposa ngwana ka mokgwa mongwe. E siametse go ka buisiwa ke bana fa fela tlhaka ‘F’ e ka kwalwa sentle.