Review
Reviewed Book:
Reviewed Book:
Tiro e e dirilweng mo bukeng e, ke e e tseetsweng matsapa. Puo e e kwadilweng e bonolo mo ditsebeng tsa ngwana ka Setswana se se tlhapileng go sena le phoso epe, e ka tswa e le ya mokwalo kgotsa mopeleto. Botlhe mokwadi, mofetoledi le mophasalatsi ba tshwaraganetse tlhagiso ya buka eno, go netefatsa fa e nna e e tla fatlhosang ngwana ka tshwanelo, gotlhe ka ditshwantsho le diteng tsa yone. Ka go rialo buka eno e maleba go ka dirisiwa ke bana ebile e tla ba jesa monate.