Review

Reviewed Book:

Reviewed Book:

Review by Gomolemo Moagi

“…Princess, o mosetsana o o pelonolo, o o botlhale, o montle go gaisa mo Soweto! O na le tshabakelo mo leitlhong la gago mme fa o nyenya letsatsi le a phatsima…” Mafoko aa relwang mo go Princess ke Rragwe eo e leng botsalano bo bontle ba rre le moradi. Nnane ee ke ya bana ba kwa maemong a ntlha ya bobedi go fitlha go ntlha ya bonne ya thuto ba leng dingwaga tse robedi go fitlhela go lesome. Ditshwantsho tsa buka e di tseneletse ka gore di tlhagisa seemo sa botshelo ba nako tsa mmuso wa tlhaolele, e se bontsha ka parologanyo ya mebala e tsenelang mogong e thuba maikutlo.

Princess le Rragwe ba tshameka pina ya ga Mme Miriam Makeba ka gore Rrage Princess o bone Princess a o utlwile botloko ka dilori tsa masole a tlhaolele se se ne sa dira gore batle ka kakanyo ya go dira moletlo wa teye mo lapeng la bone kwa Soweto. Tshotlhe tseno di ne di diragala ka nako ya tlhaolele pele ga 1994. Batho ba ne ba kgaogangwa ka ntlha ya mmala wa lotlalo la bone, seo se na sa dira gore go nne le pharologanyo ya ditsela tseo ba neng ba tshela ka yona. Nnane ee, ke ya ditiragalo tsa boitlhamelo ke mokwadi feela e reutlweditswe ke ditiragalo tse diragetseng tsa nnete mo Aforika Borwa ka nako tsa tlhaolele re ise re bone kgololosego.

Le ga e le gore mokwalo wa nnane ee lobaka la yone ke gore re ruta ka tlhaolele, ke ratile gore e pelonolo le go re itsisi ka bakgaka ba tshamekileng karolo e tonna go tlisa kgololosego bao e leng gore ba siile lefatshe la kwano. Mokgaka Mme Miriam Makeba, Mokgaka Rre Hugh Masekela, Mokgaka Rre Nelson Mandela le botlhe ba lwetse kgololosego ka dirisa mmino, makwalo le botaki ka seo go botlhokwa maina a bona a tshwanetse go nna a reriswa gore basha ba kgone go itse ka bone.Ka seo ke re nnane ee, ke e ratile tota ebile ke ka rutlwetsa barutabana le badiredi ba mafelo a dibuka ba e dirise go ruta bana ka tlhaolele le gore re fitlhile jang mo kgololosegong.

Other reviews of this book

No more reviews of this book were found