Review

Reviewed Book:

Reviewed Book:

Review by Dimakatso Motaung

Buka e, e kwadilwe sentle ka tiriso ya puo e e bonolo ya Setswana e e siametseng bana ba dingwaga tseno. Setlhogo le ditshwantsho di nyalana sentle le kgang e e kwadilweng, mme e diragadiwa ke diphologolo mo boemong jwa batho kgotsa mothofatso. Mokwadi gape o fatlhosa bana ka go ithuta go dira ditiro tsa fa gae le ka ditsala tse di tlhaloganyang go ema tsala ya bona nokeng. Mopeleto wa mafoko a le mabedi ga se o o ka kgoreletsang gore buka eno e ka buisiwa ke bana. Ka jalo buka e, e siame go buisiwa ke bana.

Other reviews of this book

No more reviews of this book were found