Review

Reviewed Book:

Reviewed Book:

Review by Dr Eileen Pooe

Diteng/Content:
Go rotloetsa go ela tikologo tlhoko, le go itumelela dilo tse di re dikologileng. Mokwadi o dirisitse go fofa jaaka sekao sa go ela tlhoko, go leba tse di fofang mme motho a ipotse gore ke eng se se fofang.

Bomaleba go babuisi/Relevance to the readers:
E maleba go rotloetsa bana go itumelela tikologo ya bona le dilo tse di ba dikologileng, ka go farologana ga tsona. Ba ele tlhoko.

Puo/Language:
Puo e tlhololo, e ka ruta bana puo ka go ba neela tlotlofoko e e maleba go bitsa le go itse maina a dilo tse ba di bonang mo tikologong ya bona le tse di ba dikologileng ka gale.

Thutapuo/Grammar:
E a kgotsofatsa le go nna maleba le mokwalo le mopeleto wa Setswana, o o nitamisitsweng.

Bomaleba jwa Setso le kgatlhegelo/Cultural appropriation and appreciation:
E maleba, e ka itumedisa bana ka e wela mo dinaaneng tse di itumedisang bana – e maleba le Grade R.

Bosisi le go Tlhoka Bosisi/Sensitivity/Insensitivity:
E siame, ga e tshwenye ka sepe, e maleba.

Thuto ka ga Maitsholo a Setho/Botho/Moralistic story:
Ke kgang e e rutang tota, segolo e totile go nna tlhoko ka dilo tsa botlhokwa mo tikologong.

Other reviews of this book

No more reviews of this book were found