Review

Reviewed Book:

Reviewed Book:

Review by Dr Eileen Pooe

E anela ka ga go bala dipalo go tloga ka nngwe go ya go lesome. Dipalo di tsamaelana le go nyalelana le ditshwantsho - go dira jalo go nolofatsa go tlhaloganya dipalo le go di bala ka nepagalo e bong selo se se botlhokwa segolo mo baneng ba bannye.

E maleba tota go bana ba bannye ba ba simololang go ithuta dipalo, ba di bapisa le dilwana go aga/bopa palo e e rileng ka tsela e e bonolo.E amogelesa, e mo maemong a a maleba. Kitso ya dipalo ka puo ya gaabomotho e botlhokwa segolo mo baneng ba bannye ba ba simololang go bala (count) le go buisa (read). E tlhololo, e latetse melawana ya mokwalo le mopeleto o o kannweng wa Setswana.

E maleba tota, go bana ba bannye ba ba simololang go ithuta dipalo le go di bala ka go aga bokao jo bo tlaa salelang ruri mo tlhaloganyong ya bona. E maleba ka e bapisa palo le dilwana tse di agang palo eo mme se se thusa go tlhaloganya ka bonako.
Ga e na bosisi bope jo bo ka tshwenyang mmuisi.

Thuto ka ga Maitsholo a Setho/Botho/Moralistic story:
E aga ngwao le motheo wa dipalo mo baneng ba sa ntse le bannye. Se se na le seabe se segolo mo kitsong ya dipalo go ya kwa pele.

Other reviews of this book

No more reviews of this book were found