Review
Reviewed Book:
Reviewed Book:
Go nna mo bodutung ga se selo se se sentle. Go botlhokwa go nna le ditsala. Ba ba ikgantshang ba tlaa nna ba hutsafetse. Go tshela mmogo le go ratana – ke ntlhakgolo, ke jaaka lerato le se na mmala, o ka se le bone ka mmala le itshupa ka ditiro.
E maleba go bana le batho botlhe fela, e ruta ka ga go ratana, o sa tlhophe gonne ga o kitla o itse kwa thuso ya gago e tlaa tswang teng.
E maleba, e kwalegile e bile e latetse melawana ya mokwalo le mopeleto wa Setswana. E nepagetse, melawana ya thutapuo e lolame. E ka nonotsha kitso ya thutapuo le puo ka kakaretso mo go ba ba simololang go ithuta puo ka lekala le.
E maleba gonne batho ba tshela le diphologolo mme go botoka go tshedisana natso ka go di tlhaloganya le ka lerato, ka go rialo di ka se nne kotsi go le kalo.
Ga e na bosisi bope, e a amogelesega.
Ke kgang e e rutang ka gore go ratana go ka boloka le go falosa setšhaba. Go se itseele kwa godimo mo go ba bangwe go a thusa gonne o tlaa kgona go tshedisana le batho botlhe.