Review

Reviewed Book:

Reviewed Book:

Review by Dr Eileen Pooe

E bua ka Moriti, segolo wa motho. Go lemosa babuisi fa moriti wa motho o se na botshabelo mme motho a tshwanetse go itse seo. Moriti wa gago ke wena, o amogele ka dinako tsotlhe, gongwe le gongwe kwa o leng teng.

E siametse bana ba bannye, le go ba tlhalefisa maleba le se moriti e leng sona e bile o sa tlhoke go ba kgarakgatsa. Go tlhaloganya masaitseweng a mmopi. E tlhapile e napegatse, e a tlholaganyesa go babuisi ba ba ikaeletsweng. E a amogelwa, e latetse mokwalo le mopeleto wa Setswana le melawane ya Thutopuo ya Setswana.

E maleba le go tlhokega mo kitsong ya motho. E tlaa nolofaletsa le mmuisi go tlhaloganya malepa a puo a a ageletsweng ka lefoko moriti. Ga e na bosisi bope jo bo ka tshwenyang.

Ke kgang e e maleba, e e rutang bana ka go tlhaloganya se moriti e leng sona le go itse gore re o tsibogela jang.

Other reviews of this book

No more reviews of this book were found