Review

Reviewed Book:

Reviewed Book:

Review by Gilbert Motsaathebe

Buka e e ruta ka ga maina a diphologolo. E ruta gape ka ga dipalo le go bala dinomoro. Selo se sekgatlisang thata ka ga lokwalo lo ke gore e dirisa dipuo di le dintsi thata go akaretsa dipuo tse somengwe tsa semolao tsa Aforika Borwa ga mmogo le tse dingwe tsa seAforika jaaka KiSwahili, Siswati jalo le jalo. Ka ga jalo ke buka e e botlhokwa thata. Ditshwantsho tsa teng le tsona dina le kgogedi e bile di maleba. Fela ka bomadimabe go na le phoso e ke elemogileng fa go tliwa mo Setswaneng. Jaaka sekai: mo tsebeng y abo 16 go buiwa ka sengana kgotsa “mopani worms”ga mmogo le palo ya sona ka sejatlhapi. Gone fa dipuo tse dingwe jaaka Sesotho, Sethosa, Seburu ditlhaloso sentle. Bona fela: Diboko tsa masontja tse robong (Sesotho), IsXhosa (Amasonja alithooba), Seburu (nege mopaniworms). Fela tlhaloso ya Setswana foo e fosagetse thata. Bona: (ditlhare di le robongwe tsa nato). Fela go a itumedisa go bona gore ke yona fela phoso e le nngwe mo lokwalong le mme ka ga jalo e ka baakanngwa mme lokwalo lwa amogelesega.

Other reviews of this book

No more reviews of this book were found